Dirurubele

R200.00

5 in stock

SKU: 978-1-7764729-1-8 Categories: , Tags: , ,

Description

Dirurubele ke tsweledi ya Dinotshi, padi ya ntlhantlha ya erotika e e kwadilweng ka loleme Iwa Setswana e e golotsweng ka ngwaga wa 2020 e phasaladiwa ke Xarra Books. Dingwaga di le nne morago ga go phasaladiwa ga buka e ntsho e e etileng eno pele, Dirurubele e nna padi ya bobedi ya mofuta wa yone go tlhagelela mo bokwading jwa Setswana.

Gabonewe o re isa kwa ope a iseng a tsamaye a nne le bopelokgale jwa go re isa teng, a dirisa puo e ntle e e kgatlhang e bile e gogela. Moanelwamogolo wa rona, Modiri, o godile jaanong. Ke ralapa e bile ke mogatsa motho, ga e tlhole e le mokawananyana wa magae yo o magorogo maša mo mošateng wa Gauteng yo re kopaneng nae ‘kgetlo Iwa ntlha dingwaga di le nne tse di fetileng. Jaanong potso ke gore a tlhaloganyo ya moeka le yone e godile jaaka mong a godile? Sala Dirurubele morago mme o tlaa bona karabo.